1 Thessalonians 5

1Mo gotlhe go tlaa diragala leng? Tota ga ke tlhoke go bua sepe kaga gone, bakaulengwe ba ba rategang, 2gonne lo itse sentle gore ga go na ope yo o itseng. Letsatsi leo la Morena le tlaa tla go lebetswe jaaka legodu mo bosigong. 3E tlaa re fa batho ba re, “Gotlhe go siame, sengwe le sengwe se ritibetse ebile go na le kagiso”, jalo ka tshoganetso tshenyego e kgolo e tlaa ba wela ka bofefo jaaka ditlhabi tsa pelegi tsa mosadi di simolola fa ngwana wa gagwe a tsholwa. Mme batho ba, ga ba kitla ba falola ka gope, ga go kitla go nna le lefelo la go iphitlha.

4Mme bakaulengwe ba ba rategang, ga lo mo lefifing ka dilo tse, ebile ga lo na go hakgamala jaaka legodu fa letsatsi leo la Morena le tla.

5Gonne lotlhe lo bana ba lesedi le ba motshegare, mme ga lo ba lefifi le ba bosigo. 6Jalo itlhokomeleng, lo se robale jaaka ba bangwe. Lebelelang go bowa ga gagwe lo bo lo nne boitekanelo.

7Bosigo ke nako ya go robala le nako e batho ba tagwang ka yone. 8Mme a rona ba re nnang mo leseding re nne boitekanelo re sireleditswe ke thebe ya tumelo le lorato, mme re apare tsholofelo ya boitumelo ya poloko jaaka tlhoro ya itshireletso.

9Gonne Modimo ga o a re tlhophela go tshololela bogale jwa One mo go rona, fa e se go re boloka ka Morena wa rona Jesu Keresete. 10O re swetse gore re tle re nne nae ka malatsi otlhe, re sule le re tshela ka nako ya fa a bowa. 11Ke gone kgothatsanang lo agane, fela jaaka lo setse lo dira.

12Bakaulengwe ba ba rategang, tlotlang bagolwane ba phuthego ya lona ba ba dirang ka natla mo go lona ebile ba lo tlhagisa mo go tsotlhe tse di sa siamang. 13Ba tlotleng thata lo bo lo ba neye lorato ka pelo yotlhe gonne ba leka thata go lo thusa. Mme gakologelwang se, go seka ga nna komano mo go lona.

14Bakaulengwe ba ba rategang, tlhagisang ba ba ditshwakga; gomotsang ba ba tshogileng; pepetletsang ba ba bokoa; lo bo lo nne pelotelele mo go mongwe le mongwe. 15Lo bone gore ope a seka a busolosa bosula ka bosula, mme ka malatsi otlhe lo leke go diralana molemo. 16Itumeleng ka metlha yotlhe. 17Nnang lo rapele ka malatsi otlhe. 18Lebogang ka malatsi otlhe go sa re sepe gore go diragala eng, gonne mo ke go rata ga Modimo mo go lona ba lo leng ba ga Keresete Jesu.

19Se hupetseng Mowa O O Boitshepo. 20Se tshegeng ka tshotlo ba ba porofitang, 21mme sekasekang sengwe le sengwe se se buiwang gore lo tlhomamise gore se boammaaruri, mme fa se le boammaaruri, se amogeleng. 22Ithibeng mo mofuteng mongwe le mongwe wa bosula. 23A Modimo wa kagiso ka sebele o lo ntlafatse gotlhelele; gape a mowa wa lona le pelo ya lona le mebele ya lona e nne e nonofile e sena molato go fitlhelela letsatsi leo le Morena wa rona Jesu Keresete a tlaa tlang ka lone gape.

24Modimo o o go bileditseng go nna ngwana wa One, o tlaa go direla mo gotlhe, fela jaaka o solofeditse.

25Bakaulengwe ba ba rategang, re rapeleleng.

26Ntumedisetsang bakaulengwe botlhe koo ka seatla. 27Ke lo laola mo leineng la Morena go balela Bakeresete botlhe lokwalo lo. 28Mme a masego a a itekanetseng a a tswang kwa go Morena wa rona Jesu Keresete a nne le lona lotlhe. Ke nna wa lona ruri, Paulo.
Copyright information for TsnLEF